MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: NEW E-HAILING REGULATIONS RESTRICT DRIVERS TO SPECIFIC AREAS
Goitseone Moremi o buisana le monnasetilo wa ba E-hailing Partners Council, Hendry Mathebula ka ga melao e mentshwa ya e-hailing e tla simololang go dira etla thusa go fedisa dikgotlhang tsa beng ba di-taxi le ba e-hailing. Bathati ba lefapha la dipalangwa ba re melao eno e akaretsa gore dikoloi tsa bakgweetsi ba e-hailing di nne le matshwao a bontshang gore ke bakgweetsi ba e-hailing, le gore batla neelwa makwalo a ba letlang gore ba tshwanetse ba direla kae.
MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: CONCOURT RULES HUSBANDS CAN NOW TAKE WIVES SURNAMES
Goitseone Moremi o buisana le moitseanape wa molao, Nthabiseng Dubazana go latela katlholo ya baatlhodi ba kgotlhatshekelo ya molaotheo ba atlhotse gore banna ba ka dirisa difane tsa basadi ba bone. Seno ke morago ga gore kopo e dirilweng ke banyalani bangwe kwa kgotlatshekelo ya molaotheo kgatlhanong le molao o thibelang banna gore ba ka dirisa difane tsa basadi ba bone.
MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano ka moento wa go thibela go tshwaetsega ga batho ke HIV -Lenacapavir
Kelebogile Kgetse o buisana le Motsamaisi wa lenaane la go samagana le go anama ga HIV kwa lefapha la bosetshaba la boitekanelo, Nthabiseng Khoza. Motlhankela mokhuduthamaga yo mogolo wa South African National AIDS Council, SANAC, Dr Thembisile Xulu, a re moento o montshwa wa Lenacapavir, o tla thusa go thibela go tshwaediwa ga batho ke HIV. Xulu o ne a bua kwa Kempton Park, gaufi le Johannesburg kwa conference ya ba SANAC, e ka ga go seka-seka gore go tshwaediwa ga batho ke HIV go ka fedisiwa jang. Go begwa fa moento ono o tla thusa go fokotsa palo e ntsi ya batho ba ba tshwaediwang ke HIV mo nageng. Dikgwedi di ka nna pedi tse di fetileng, bathati ba lefapha la boitekanelo ba amogetse diranta di le dimillion di feta makgolo a matlhano go tswa go ba Global Fund, go di dirisa mo mererong e akaretsa go neela ka moento ono.
MOTSWEDING FM: BORESETSE: Puisano ka tsereganyo ya bathati ba puso ya bosetshaba kwa masepala wa Ditsobotla.
Kelebogile Kgetse o buisana le Modulasetilo wa mokgatlho wa di-masepala, SALGA mo province ya North West, Khumalo Molefe. Tona wa di-masepala Velenkosini Hlabisa o itsisitse batlhankela ba lefapha ba le barataro ba ba tla tsamaisang merero ya masepala wa Ditsobotla mo Province ya North West. Hlabisa a re batlhankela bano ba tla samagana le merero e akaretsa go thapiwa ga badiri ba masepala, go thapiwa ga beng ba ditlamo bao ba neelang ditirelo kwa masepala le go fedisa go thapiwa ga badiri go se mo molaong. Baagi ba ntse ba sa neelwe ditirelo ka tshwanelo ka ntlha ya mathata a a leng gona mo masepaleng. Bathati ba puso ya bosetshaba ba sweditse go dirisa Section 139-subsection 7 ya molaotheo, go tsamaisa merero ya masepala ono.
MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: SAMWU REACTS TO NATIONAL INTERVENTION AT DITSOBOTLA MUNICIPALITY.
Goitseone Moremi o buisana le mokwaledi wa ba mokgatlho wa badiri ba di-masepala, SAMWU mo North West, Vincent Diphoko, go latela gore bathati ba puso ya bosetshaba ba sweditse go dirisa Section 139- subsection 7 ya molaotheo go tsamaisa merero ya masepala ono. Mo nakong e fetileng, badiri ba masepala wa Ditsobotla bane ba ngongorega ka go sa duelwe ka nako le gore go nale batho bao ba duelwang le mororo ba sa dire kwa masepaleng ono. national government intervention at Ditsobotla Municipality.
MOTSWEDING FM-TSELE LE TSELE: Puisano le le leloko la lekoko la EFF kwa kokoano ya bosetshaba, Sharon Letlape.
Goitseone Moremi o buisana le le leloko la lekoko la EFF kwa kokoano ya bosetshaba, Sharon Letlape ka morero wa gore baeteledipele ba lekoko la Economic Freedom Fighters, EFF ba tshitshinya gore go nne le molao o o tla dirang gore go fedisiwe dipapatso tsa bojalwa, Liquor Amendment Bill.
MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le sebueledi sa ba mokgatlho wa bao ba somarelang ditshwanelo tsa batho ba ba gwebang ka thobalano wa Sisonke - Yonela Sinqu
Moatlhodi wa kgotlhatshekelo e kgolo kwa Western Cape Andre Le Grange, o letleletse gore baeteledipele ba mekgatlho e e ka ga go samarelwa ga ditshwanelo tsa batho e feta lesome, ba akaretsa ba mokgatlho wa Sisonke, ba nne le seabe mo tshekong e e malebana le kopo ya gore go gweba ka thobalano go nne mo molaong. Moatlhodi Le Grange o amogetse gape le kopo ya baeteledipele ba mekgatlho e le mene ya baagi, ya go nna kgatlhanong le kopo eno. Kopo ya gore go gweba ka thobalano e nne mo molaong e dirilwe ke mongwe wa batho ba ba gwebang ka thobalano le baeteledipele ba mokgatlho oo ka ga go somarelwa ga ditshwanelo tsa batho ba ba gwebang ka thobalano - SWEAT.
MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le commissioner kwa ba commission e e ka ga ditshwanelo tsa batho, SAHRC - Nomahlubi Khwinana.
Baeteledipele ba mekgatlho ya baagi ba ba nnang kwa mafelong a baipei le ba mekgatlho e e ka go somarelwa ga ditshwanelo tsa batho, ba kgatlhanong le tshwetso ya Tonakgolo wa Gauteng, Panyaza Lesufi ya go tlosa baagi ba ba nnang mo mafelong a baipei go ralala province eo. Lesufi o itsisitse gore ba tlile go tlosa baagi ba ba nnang mo mafelong a baipei ka ura ya bobedi mo mesong. A re letsholo leno le tlile go tsweletswa kwa mafelong a baipei a le makgolo a mane go ralala province. Lesufi a re baagi ba simolotse go nna mo mafelong ao ngwaga o fetileng.
MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE:CABLE THEFT WRECKS HAVOC IN S.A
Goitseone Moremi o buisana le moitsenape wa merero ya bosenyi kwa University of Johannesburg, Calvin Rafadi tebang le ditiragalo di le mmalwa go ralala naga tsa go utswiwa ga di-cable tsa motlakase. Go utswiwa ga di-cable tsa motlakase go dira gore baagi ba se le motlakase ka tshwanelo. Batlhankela ba South African Chamber of Commerce and Industry ba re go utswiwa ga di-cable tsa motlakase go dira gore beng ba dikgwebo mo Afrika Borwa ba latlhegelwe ke diranta di feta di-billion di le tlhano ka ngwaga
MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le mokwaledi wa bosetshaba wa mokgatlho wa baagi ba kwa dikgaolong tse go naleng meepo kwa go tsona - MACUA - Mathapelo Diale.
Mookamedi wa lephata la tsa Engineering kwa North West University, Proffessor Liezl van Dyk a re palo e ntsi ya baagi mo North West ga ba dire le gore ba humanegile le mororo go nale dikuno di le dintsi tsa moepo mo NorthWest. Proffessor van Dyk a re go nale meepo ya platinum, chrome, vanadium le gauta mo province ya NorthWest, fela seno ga se tswele baagi mosola. Prof van Dyk a re ba simolotse go aga School of Mines and Mining Engineering kwa Rustenburg, go katisa baagi gore ba nne le bokgoni ba go nna le seabe mo go tsa meepo. Go ya ka pegelo ya ba Statistics South Africa ya paka ya bobedi ya ngwaga ono, baagi ba feta 1 point 5 million mo North West ga ba dire.
MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le sebueledi sa ba COSATU, Zanele Sabela.
Baeteledipele ba Federation ya mekgatlho ya badiri, COSATU, ba ikuela go bathati ba puso go fokotsa tlhwatlhwa ya motlakase e e ntseng e oketsega. Batsamaise ba Eskom ba itsise fa ba tla oketsa tlhwatlhwa ya motlakase ka di-percent di le 8-point-7 percent mo ngwageng eno ya matlole ya 2026/2027, le ka di-percent 8-point-8 mo ngwageng o o latelang wa matlole 2027/2028. Tshwetso eno e latela tumelano magareng ga batsamaisi ba setlamo sa ditlhwatlhwa tsa motlakase, NERSA le ba setlamo sa motlakase, Eskom. Dikgwedi di le pedi tse di fetileng, batsamaisi ba Eskom ba ne ba dira kopo kwa kgotlhatshekelo gore go seka-sekiwe tshwetso ya batsamaisi ba NERSA. Ba re batsamaisi ba NERSA ba dirile phoso tebang le di-percent tsa go oketsa tlhwatlhwa ya motlakase tse go dumalanweng ka tsona.
MOTSWEDING FM-BORESETSE: Puisano le moitsenape mo mererong ya Africa go tswa UNISA, Advocate Sipho Mantula.
Tona wa merero ya boditshaba, Ronald Lamola, a re o ne a sa itse gore baeteledipele ba setlhopa sa masole a a leng kgatlhanong le tsamaiso ya puso ya bathati ba naga ya Democratic Republic of Congo, DRC, a bidiwang M23 Rebels, ba tla tsena kopano e e rulagantsweng ke ba Thabo Mbeki Foundation e ka ga go buisana ka go fedisa dintwa mo continent ya Africa. Go nna le seabe ga ba M23 Rebels mo dipuisanong tseno, go dirile gore President wa DRC, Felix Tshisekedi a ganne go nna le seabe mo dipuisanong tseo. Tshisekedi o ganne baeteledipele ba makoko a kganetso a nna le seabe mo dipuisanong tseno. Sebueledi sa bathati ba puso ya DRC - Patrick Muyaya o latofatsa President wa maloba, Thabo Mbeki gore o tshegetsa ba M23 Rebels le bathati ba puso ya Rwanda, mo kgotlhang ya kwa DRC.
MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: AFRIKA MAYIBUYE MOVEMENT AIMS TO BRING HOPE TO CITIZENS.
Goitseone Moremi o buisana le monnasetilo wa bosetshaba wa Afrika Mayibuye Movement, Mmabatho Mokause kaga go tlhamiwa ga lekoko le lentshwa . Moeteledipele wa lekoko Floyd Shivambu a re ba tlhamile lekoko leno ka ntlha ya fa baagi ba ngongorega ka baeteledipele ba makoko a leng gone ga jaana mo Afrika Borwa. Shivambu o itsisitse fa ba tlhama lekoko go latela letsholo la Mayibuye Consultation mo ba neng ba buisana le baagi le baeteledipele ba ba farologaneng tebang le go tlhama lekoko la sepolitiki. Shivambu a re batla gaisana mo ditlhopong tse di tlang tsa di-masepala
MOTSWEDING FM TSELE LE TSELE: MADLANGA COMMISSION VS PARLIAMENT's AD HOC COMMITTE
Goitseone Moremi o buisana le moitseanape wa molao, Nthabiseng Dubazana Dubazana tebang le go nna teng ga Madlanga Commission le committee ya nakwana ya parliament e maloko a yone le one a batlisisang dipego tsa Commissioner wa mapodise kwa province ya KwaZulu Natal, Lieutenant General Nhlanhla Mkhwanazi gore go nale batho bao ba itshunyang mo tirong ya mapodise le go kgoreletsa mapodise go dira tiro ya bone.
MOTSWEDINGFM: BORESETSE: Re buisana le le sebueledi sa ba mokgatlho wa baithuti - SAUS, Thato Masekoa.
Baeteledipele ba mekgatlho ya baithuti le ba mekgatlho ya basha ba re ba tshwenyegile tebang le ditshitshinyo tsa go fetolwa ga National Credit Act. Ba kgatlhanong le ditshitshinyo tse di akaretsang gore batsamaisi ba di-University le di-College ba letlelelwa go romela tshedimosetso ya baithuti ba ba kolotang kwa go ba ditheo tsa di-Credit Bureau. Go begwa fa baithuti ba feta dikete di le makgolo a matlhano ba sa fiwa di-certificate fa ba fetsa dithuto tsa bone gonne ba santse ba kolota kwa University le di-College.
MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Gogo Brenda Selibi.
Tiisetso Rapoo o buisana le Advocacy Officer go tswa kwa Traditional Healers Organisation Gogo Brenda Selibi ka seabe sa dingaka tsa setso mo mererong e e farologaneng ya boitekanelo.
MOTSWEDING FM: ITLHABE BOTLHALE: Puisano le MEC Ketso Makume
Dimpho Maruping o buisana le Mokhuduthamaga wa Bojanala kwa Province ya Free State, Ketso Makume ka MACUFE.
MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE-Puisano le Segoale Mojapelo.
Tiisetso Rapoo o buisana le Principal Property Practitioner go tswa kwa Segoale Properties, Segoale Mojapelo ka molao o fetotsweng wa Rental Housing.
MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le Elijah Skosana
Motlhagisi Lebogang Korogo o buisana le Elijah Skosana.
MOTSWEDING FM-ITLHABE BOTLHALE: Puisano le ngaka ya setso Matt Monyatsi.
Motlhagisi Lebogang Korogo o buisana le ngaka ya setso Matt Monyatsi ka botlhokwa le go dirisiwa ga mmutlwa wa noko ke dingaka tsa setso.
Save video to ...
